2 Thessalonians 1

1Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo, Silase le Timotheo. Lo ya kwa: Phuthegong ya Thesalonia, e e babalesegileng mo Modimong Rraa rona le mo go Morena Jesu Keresete.

2A Modimo Rara le Morena Jesu Keresete ba lo neye masego a a itekanetseng le dipelo tse di tletseng kagiso le ditlhaloganyo.

Sekao sa tshiamo ya Modimo

3Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona.

4Re itumelela go bolelela diphuthego tse dingwe kaga bopelotelele jwa lona le tumelo ya lona e e tletseng mo Modimong, mo godimo ga matshwenyego le mathata a lo a raletseng. 5Ke sone sesupo se fela sa tsela e e sa patikeng e e siameng e Modimo o dirang dilo ka yone, gonne o dirisa dipogiso tsa lona go lo baakanyetsa bogosi jwa One, 6fa gape a baakanyetsa ba ba lo utlwisang botlhoko katlholo le kwatlhao.

7Ke gone ke rayang lona ba lo bogang ke re, Modimo o tlaa lo naya boikhutso mmogo le rona fa Morena Jesu a bonala ka tshoganetso a tswa kwa legodimong a le mo kgabong e e tukang ya molelo le baengele ba gagwe, 8a lere katlholo mo go ba ba sa batleng go itse Modimo, le ba ba ganang go amogela leano la one go ba boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.

9Ba tlaa otlhaiwa mo moleting wa bosakhu-tleng, ba kgaoganyeditswe ruri le sefatlhogo sa Morena, ba se kitla ba bona kgalalelo ya nonofo ya gagwe, 10fa a tla go amogela kgalaletso le tlotlo ka ntlha ya gotlhe mo a go diretseng batho ba gagwe, ebong baitshepi ba gagwe. Mme lo tlaa nna mo gare ga ba ba mmakang, gonne lo dumetse Lefoko la Modimo le re le lo neetseng.

11Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One. 12Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona.
Copyright information for TsnLEF